Diane le Ditlhaloso

Diane le Ditlhaloso

SEANETLHALOSO
Ba ba buelang dikgageng, magakabe a a ba bona.Titiro tse di maswe tse di diretsweng mo sephiring, di felela di senoga.
Ba ba ratang pako ba jewa dikobo.Motho yo o ratang go bokiwa, o feleletsa a latlhegelwa ke ditsagagwe a itumedisa ba bangwe.
Bagologolo ke rona basha. Basha ke bagologolo.Bana ba kgona go ruta bagolo dilo tse bagolo ba ka tswang ba ne ba sa di ele tlhoko.
Bana ba bua le Modimo.Bana ba dibelwa ke modimo mo diphatsheng.
Bana ba kgaupe ba laalana go sale gale.Batho ba ba tlang mmogo kwa morerong, ba tla ba ipuile pele, ba dumalane meono.
Bana ba kgori, monokwana o seng, tshika e ya baneng e a kgaogana.Losika lo a kgaogana fa lo ntse lo ata go ya pele
Bana ba kgwale ba bitsana ka melodi.Masika a a thusana fa go le thata. Aa a bitsana fa go jewa.
Bana ba motho ba kgaogana tlhogwana ya tsie.Bana ba motho ba kgaogana sengwe le sengwe le fa se ka nna sennye jang
Bana ba tadi ba bonwa ka mereto.Batho ba ba tswang golo gole gongwe ba na le se ba tshwanang ka sona.
Bana ba tadi ba itsane ka mereto.Batho ba ba tswang golo gole gongwe ba lemogana ka mekgwa e e tshwanang.
Bana ba tladi ba anyela loratleng.Motho o tlwaela diemo tse a tshelelang mo go tsone.
Bana ba tshipa ba tsaya mmila o le mongwe.Gantsi bana ba batho ba tshwana ka mokgwa
Bana ba tshipa ba tsaya mmila o le mongwe, fa ba kgaogana, ke baswi ba mogotlhaMasika a tshwanetse go tshela mmogo ka lorato le tshwaragano, ga e se jalo, ba kgona go fenngwa ke dira motlhofo.
Bana mamphorwana maatlhamela babolai.Bana ga ba itse babolai ba bona
Banna ga ba na thwadi, ba bonwe ke Mmamariga.Banna ba tshwana fela ka mekgwa - ga go na yo o botoka mo go yo mongwe.
Banna matshootshoo ba tshosana ka marota.Monna ga se gantsi a ineela go re o tshaba/gaisiwa ke ba bangwe. O leka go tshosetsa/phadisana ka sepe se a nang le sone.
Banthati ba kana ka bantlhoiMotho ga a nke a tlhoiwa kgotsa a ratwa ke batho botlhe.
Basadi ba bolola ntwa ba sa e ya ditlholwa.Basadi ba kgona go simolola sengwe ba sa sekaseka ditlamorago tse di ka nnang.
Basadi ga ba na kgosi.Basadi ga ba tshabe ope - le fa motho ya teng a ka nna motona/mashetla jang.
Batho ba lemogana loetong.O kgona go tlhaloganya mekgwa ya motho sentle morago ga go nna le ene mo diemong, ka lobaka.
Batho ga ba ke ba bolaana ka motlele jaaka dikgomo.Le fa go ka nna mosuke jang, batho ba kgona go sutelana, e seng ba gatana jaaka diphologolo.
Batho ga ba lekane e se meno.Itsholelo le maemo a batho di a farologana.
Batho ga ba tlale e se dinku.Le fa go ka nna mosuke jang, batho ba kgona go sutelana, e seng ba gatana jaaka diphologolo.
Batho ga ba tshwane e se dipeba.Tebego ya batho e nna e fa e farolognang teng - le fa e ka nna mawelana tota.
Batsomi ga ba tlhakanele sekgwa.Batho ba ba phadisanang ka papadi, ga go batle ba nna lefelo mmogo, ka go re ba feletsa ba lwa.
Bo a re go tsholwa bo le molelo, e re go tsogwa bo bo bo fodile.Le fa maikutlo a ka tsholetsega thata, moragonyana a feletsa a wetse.
Boammaaruri ga bo jelwe phekoBoammaaruri bo feletsa bo senoga.
Bobedi ke bongwefela. Bongwefela ke loso.Go botlhokwa go nna le mosupi; fa a seyo, go dingalo go re batho ba dumele kgang ya gago.
Bodiba jo bo jeleng ngwana wa ga mmaago, e re o feta ka bone o bo katologe.Tsaya malebela mo go ba bangwe ba ba kileng ba welwa ke mathata, o rurifatse go re le wena ga o wele mo diphatsheng tse di tshwanang.
Bodipa jwa moraka bo gaisa jwa legae.Motho o kgona go ipaya yo nang le bokgoni jo bontsi fa a na le batho ba ba sa mo itseng.
Boferefere ga se papadi.Khumo ga e agwe ka go tsietsa ba bangwe.
Bogale ga bo bewe tlapaneng.Motho ga a fentswe o a ineela/sia.
Bogale ja mogale bo bonwa ka dipadi.Motho o bonwa ka ditiro tsa gagwe.
Bogale tsholo, bo a omisiwa.Motho ga a galefile, o a rapedisiwa go fitlhelela a wela maikutlo.
Bogosi bo a taga.Bogosi bo kgona go dira motho ga re a ipone e le Modimo.
Bogosi bo a tsalelwa, ga bo lwelwe.Bogosi ke ja tsalo, ga bo iphiwe ka dikgoka.
Bogosi ga bo tlolwe e se letsoku.Bogosi ke ja tsalo, ga bo ipatelediwe.
Bogosi jwa dijo bo a fapanelwa.Batho ba kgobokanela motho fa a na le khumo, mme fa e fela, ba a mo phatlelela.
Bogosi ke ntho e e sa foleng.Kgosi e nna e lebaganwe ke dikgwetlho botshelo ja yone botlhe.
Bogosi phate e e mmitlwa, bo a kokonela.Kgosi e nna e lebaganwe ke dikgwetlho botshelo ja yone botlhe.
Bogwe ga bo bole.Botsalano ja malapa a a kopantsweng ke lenyalo, bo tswelele fela le fa banyalani ba ka kgaogana.
Bogwera bo senang kgajane bo wela mo isong.Fa go senang boeteledipele teng, go nna le mathata.
Bohula bo a bapatswa.Mekgwa e e bosula ga e fitlhege motlhofo.
Bojalwa, thabisa digogo.Bojalwa bo dira go r e le batho ba ba ditlhong ba kgone go tsenya tsebetsebe.
Bojang ga bo bofane.Batho ba ba mo seemong se se tswanang, ga ba kgone go thusana.
Bojang jwa pitse ke jo bo mo ganong, jo bo ko ntle e swa e bo lebile.Le fa o ka tswa o tshepisitswe sengwe, ga se sa gago go fetlhelela o se neelwa.
Bojang jwa pitse ke jo bo mo mpeng, jo bo mo ganong e swa e bo hupile.Le fa o ka tswa o tshepisitswe sengwe, ga se sa gago go fetlhelela o se neelwa.
Bonolo bo fentse bogale.Go dira dilo ka bonolo le boikokobetso go tsisa maduo a a botoka go na le fa o dira ka bogale le dikgoka.
Bontlenyane bo seng bosi, bo na le dibelebejane.Bontle jwa motho ga se gantsi bo supang pelontle ya gagwe.
Bontšhe ga ba tlhakanele khutla.Batho ba ba phadisanang ka papadi, ga go batle ba nna lefelo mmogo, ka go re ba feletsa ba lwa.
Bontsi bo bolaya noga.Fa batho ba le bantsi, ba kgona go thusana mathata.
Bontsi bo ntsha mangana.Fa batho ba le bantsi, ba dingalo go laolesega.
Bopelonomi bo bolaile mmamasiloanoka.Go thusa batho go kgona go go tsenya mo diphatseng.
Bopelotshetlha bo a bolaya.Fa o ikgagapela dilo tsotlhe o felela o palelwa
Bophokoje ba ba nkgwe ba itsane ka mebala.Batho ba mekgwa e e tshwanang ba a utlwana.
Bopodi go kgonana ba ba dinaka.Batho ba ba dikgoka ba kgonwa ke ba ba dikgoka jaaka bone.
Boraro ke bobedi, bobedi ke jone bongwefela.Fa batho ba le bantsi, bodutu bo a fela.
Boroko, mafura a mmotlana.Motho yo se nang khumo e ntsi, ke ene a kgonang go akola boroko.
Boroko, ngwana oorra loso.Go robala go batlile go tshwana le go swa.
Boroko, tau.Motho o kgona go bolawa motlhofo fa a robetse.
Bosigo ga bo akele ope.Ga go motlhofo go rurifatsa dilo tse di dirilweng mo lefifing la bosigo.
Bosigo ga bo na bosigonyana.Bothata bo ntse ke bothata - ga bo ngotlege.
Bosigo ga bo rone nta.Ditiro tsa mo lefifing ga di nke di siama.
Boswa ga bo jewe motho a sentse a tshela.Mongwe le mongwe o tshwanetse go iperekela, a sa re o ikantse go re o tla abelwa boswa.
Boswa jwa tau ke letlalo.Dilo tse di farologanyeng di na le boleng jo bo sa tshwaneng.
Botlhale bo bolaile mong wa jone.Go leka go tseitsa batho go kgona go go digela mo mathateng.
Botlhale e a re bo re tsheetshee, bo fitlhele jo bongwe fa pele.O kgona go re o re o tsietsa motho, o bo o fitlhela e le yo go fetang ka botlhale.
Botlhale ga bo ke bo pegwa fa godimo ga jo bongwe.O kgona go re o re o tsietsa motho, o bo o fitlhela e le yo go fetang ka botlhale.
Botlhale ga bona ntlo ya jone.Ga gona ko go tweng botlhale bo ka se tswe teng.
Botlhale jwa phala bo tswa phalaneng.Ngwana o kgona go fa mogolo maele.
Botlhale jwa phala bo tswa phalaneng. Phala e e se nang phalana, lesilo.Motsadi o fiwa botlhale ke bana ba gagwe.
Botlhoko bo bonako go tsena, bo bonya go tswa.Go tsena mo mathateng go motlhofo go fetisa go tswa mo go one.
Botswerere jwa modisa ke go di tlhatlhela.Tiro e e dirilweng ka botswerere, ke e e weditsweng.
Bowelo jwa kokwana ke boselo jwa mmaayo.Motsadi wa motho o kgona go fitlhelela ko ngwana wa gagwe a leng teng - le fa go ka nna bokgakala jo bo kae.
Di ja mmago dia itsanye.Batho ba mekgwa e e tshwanang ba kgona go lemogana.
Di leseng di kgaolane megatla, ke tsa mosima o le mongwe.Fa batho ba losika ba lwantshana, ga ba kgaoganngwe.
Di nwang di a dibosana.Those who are capable often help the less previlaged
Di sa itsaneng dia welana.Motho o kgona go gakgamadiwa ke ba a sa ba itseng.
Di sa kopaneng ke dithabaLe fa o ka iphitlela motho ko befelong le tsile go kopana
Di tswa ganong ga di siane.Magatwe, gantsi a na le bonnete.
Dibaga di tloga baapari di ya bafololeding.[Go tlhobosa gore] selo sa go nna jalo se ka se direge!
Digwana tsa basadi, thabisa digogo.Bojalwa bo dira go re le batho ba ba ditlhong ba kgone go tsenya tsebetsebe.
Dika o kgatlhe ga e itsiwe.Ga nke re itse se se tlaa diragalang.
Dikgomo di kgora mmele, motlhala o sale nageng, di kgonwa ke mosadi you o tsalang dithulaganyane.Khumo ya dikgomo e kgona go atisiwa fa lelwapa le na le batho ba bantsi.
Dikgomo le dihutshane ke mogokitla o tla o dutla.Leruo le kgonwa ka go tlhokomelwa, mme le ntse le tlhajwa.
Dikgomo tsa kgosi di amuwa morokotso.Motho, ga ntsi o ithusa ka ditsompelo tsa kwa a direlang teng
Dikgomo tshesebe tsa o salang, di tla tlogelwa foo.Khumo e salela bajaboswa.
Dilo makwati, di kwatabololwa mo go ba bangwe.Motho o tsaya malebela mo bathong ba bangwe
Dimpho tsa bonokwane, more.Fa o amogela dimpho tsa bogodu, o itsenya mo mathateng.
Dinaka tsa podi di kgonwa ke go lela di lebagane.Fa o sa itumelela sengwe, go botoka o bua le motho yo o go foseditseng.
Dinama di ya pitseng ka dirwe.Mafoko a botoka a buiwa ke mong wa one.
Dinku ga di ke di mutlhwa di le pedi.Ga go motlhofo go leka go dira ditiro tse pedi ka nako e le nngwe.
Dinkwe go latswana tse di mebala.Batho ba thusana ka losika.
Dinthe ga di ke di bajwa di le pedi, lo longwe lo a sha.Ga go motlhofo go leka go dira ditiro tse pedi ka nako e le nngwe.
Dintle tsa ga meoteledipele, dimpe tsa ga mosalamorago.Motho yo dirileng sengwe pele ke ene a atlegang. Ba ba mo etsang, ga ntsi ga ba atlege.
Dipeba di tsogetse badisa nageng, tsa feta tsa ja bo rraabo kwa gae.Batsadi ba wela dingalo ntateng ya bana ba bone.
Diphologolo di atlanegela batsongwana.Menyetla e nna metsi nako e batho ba ba sa kgoneng go e sola molemo ba le teng.
Dipoo go lwa tse di mo sakeng.Batho ba lwa le ba ba nnang nabo.
Diselammapa ga di ratane.Ga se gantsi batho ba ba dirang tiro e le nngwe ba bapile ba utlwana.
Ditlhare di na tsotlhe.Ga gona ope yo se nang diphoso.
Di tla oketsega ka bonya ka bonya

Tobetsa fa go bona diane ka ditlhaloso tsa Sekgowa; kgotsa fa go ya ko tsebeng ya diane ka kakaretso.