Mainagoboka [Collective Nouns]
[ENG] Collective nouns are known as mainagoboka in Setswana, which is a compound word maina [names] + goboka [make a collection]. In many cases items with similar characteristics (behaviour or appearance) are given the same collective noun, such as “lesaisai” for both ants [ditshoswane] and lice [dinta], or boidiidi for water [metsi] and a “flowing” crowd of people [batho]. Notice however that a stagnant crowd of people is given the same collective noun as that of a traffic jam, “mosuke”. Thus it is a fairly common occurrence that an object may have different collective nouns associated with it, and at the same time different (and sometimes totally unrelated) objects may be referred to using the same collective noun, like hills [dithaba] and elephants [ditlou] both having “leropo”.
Click here to return to the main Parts of Speech page, or to the Maina [Nouns] page.
[TSN] Lefoko mainagoboka ke sekai sa mainagoka, ka le bopilwe ka go gokaganya lefoko “maina” le “goboka”. Mainagoboka a dirisiwa go kaya bontsintsi ja dilo tsa mofuta o le mongwe. Ka Sekgowa a bidiwa “collective nouns”. Ga ntsi dilo tse di tshwanang ka popego kgotsa mokgwa di kgona go neelwa leinagoboka le le lengwe, jaaka lesaisai la dinta le la ditshoswane, mmogo le boidiidi jwa metsi kgotsa jwa batho. Mme bone batho gape, ba kgona go bidiwa mosuke (jaaka dikoloi di le mo pharakanong) fa be kgotlagane ba sa kgone go tsamaya sentle.
Mme le fa go ntse go ntse jalo, go a tle go diragale gore re fitlhele dilo tse di sa lebegeng di ka amanngwa motlhofo (jaaka ditlou le dithaba) di filwe leinagoboka le le lengwe (leropo).
Tobetsa fa go boela ko tsebeng-kgolo ya Dikarolo tsa Puo, kgotsa ko tsebeng ya Maina [Nouns].
SNo | Mainagoboka |
---|---|
1 | Babogedi ba diragalo |
2 | Badiragatsi ba mo seraleng |
3 | Balatedi ba setlhopha |
4 | Barotloetsi ba setlhopha |
5 | Batlhanka ba kgosing |
6 | Bobidibidi jwa metsi |
7 | Bodumo jwa dikgokong |
8 | Boidiidi jwa batho |
9 | Boidiidi jwa metsi |
10 | Boijane jwa tsie |
11 | Bomoto jwa dintsi |
12 | Bophalaphala jwa metsi |
13 | Dikgobe tsa moriri |
14 | Dinakangwedi tsa makgarebe |
15 | Kupa ya boupi |
16 | Kupa ya dithole |
17 | Kupa ya molora |
18 | Legetla la mae |
19 | Lekgamu la bangongoregi/ditsoulodi |
20 | Lekgwaphe la dikgofa |
21 | Lekunutu la bangongoregi/baloi |
22 | Lenyeunyeu la diboko |
23 | Leroborobo la bolwetse |
24 | Leropo la dithaba |
25 | Leropo la ditlou |
26 | Lesaisai la dinta |
27 | Lesaisai la ditshoswane |
28 | Leseka la ditau |
29 | Lesitlha la maungo |
30 | Lesogodi la tsie |
31 | Lesuthu la ditlhare |
32 | Lethole la madi [a nama] |
33 | Letlakana la mae |
34 | Letlotlo la dikhumo |
35 | Letsema la badiri |
36 | Letsholo la batlhabani |
37 | Letsholo la batsomi |
38 | Letsomane la dinku |
39 | Letsuatsue la dikokwana |
40 | Leupa la molora |
41 | Lewa la ditaola |
42 | Lewa la mabele |
43 | Losagaripa la dinaledi |
44 | Loshekere la tlala |
45 | Losika la manong |
46 | Lotlhaka la dikgama |
47 | Lotshakarana lwa bana |
48 | Maanyaanya a dilwana |
49 | Mafaratlhatlha a ditsela |
50 | Magasigasi a dikago |
51 | Magasigasi a dipone |
52 | Makgerekgere a ditshipi |
53 | Makgerekgetshana a dilwana |
54 | Makgobokgobo a metsi |
55 | Malatswathipa a kgosing |
56 | Malepelepe a diaparo |
57 | Mamepe a dinotshe |
58 | Manyanyabea a diaparo |
59 | Maphatshapatsha a metsi |
60 | Maphontsha a makgarebe |
61 | Marang a letsatsi |
62 | Maranyane a metswako |
63 | Marele a dipodi/dinku |
64 | Matlakana a bana |
65 | Matlhape a dikgomo |
66 | Matlhatlaganyane a dikago |
67 | Matlokobela a moriri |
68 | Matoditodi a batho |
69 | Matshwititshwiti a batho |
70 | Matsubutsubu a diphefo |
71 | Mekgweleo ya melato/dibe |
72 | Mokgatlho wa baithaopi/baikopanyi |
73 | Mongobo wa ditau |
74 | Mophato wa batlhabani |
75 | Mophato wa bogwera/bojale |
76 | Mophato wa masole |
77 | Morafe wa batho |
78 | Moraka wa kgomo |
79 | Morape wa ditau |
80 | Morole wa dinamane |
81 | Morole wa dinamane |
82 | Morwalela wa noka |
83 | Morwalo wa dithoto |
84 | Morwalo wa melato/dibe |
85 | Mosetlha wa dinone |
86 | Mositlha wa madi [a kgwebo] |
87 | Mosuke wa batho |
88 | Mosuke wa dipalamo |
89 | Motlhape wa dikgomo |
90 | Motloba wa dibuka |
91 | Motse wa matlo |
92 | Motseletsele wa dikoloi |
93 | Motshitshi wa dinotshe |
94 | Ngata ya bojang |
95 | Ngata ya dikgong |
96 | Ngata ya nchwe |
97 | Ntselentsele ya dijo |
98 | Nyebenyebe ya madi [a kgwebo] |
99 | Nyoba ya bojang |
100 | Nyoba ya dikgong |
101 | Phikwe ya matlhaku |
102 | Phuthego ya kgotla/kereke/phitlho |
103 | Seboka sa ditau |
104 | Segongwana sa diingaodi/dilalome |
105 | Segopa sa dinonyane |
106 | Sekgotlho sa dinare |
107 | Sekgwa sa ditlhare |
108 | Sekhi sa ditlhare |
109 | Serapa sa dikolobe |
110 | Serapa sa ditlou |
111 | Seretse sa dipitse |
112 | Setlhopha sa batshameki/baopedi |
113 | Thota ya mmu |
114 | Thothobolo ya matlakala |
115 | Thoto ya diaparo |
116 | Tlhkantshuke ya moroko le mase |
117 | Tshutlhankga ya tlhaga |
118 | Tshwantlha ya madi [a kgwebo] |