Pula le Thebe (Setswana)

Pula le Thebe (Setswana)

Ledi la Botswana la Pula (BWP) ke la botlhano ka boleng mo kontinenteng ya Afrika, mme le fetwa fela ke la Cedi la Ghana mo mafatsheng a Borwa ja sekaka sa Sahara. Ledi le, le sale le nna le boleng jo bo kwa godingwana, go tsweng le tlhangwa ka 1976. Tsatsi leno, Phatwe a le 23, re itebaganya le ditso tsa lone.

Ledi la Botswana le tsene mo tirisong mo letsatsing lone le, dingwaga tse 47 tse di fetileng: Mosupologo, 23 tsa Phatwe, 1976. Sebe sa phiri ke gore boleng le serodumo sa letsatsi le la “Letsatsi la Pula” ga di tsewe tsia mo go lekanetseng. E ne ya re mosong ono ko pulong-semmuso sa kago ya PulaThebe ya Banka ya Botswana, Tautona Dr Mokgweetsi Eric Keabetswe Masisi, a re gakolola ka phuthego e e neng e buisiwa ke Tautona wa ntlha, Sir Seretse Khama, ko Molepolole dingwaga tse pedi pele. Kwa phuthegong e ya Lwetse a le 6 ka 1974, Tautona o ne a rolela setšhaba maikaelelo a go ntsha Botswana mo Lekgotlaneng la Ranta [Rand Monetary Area (RMA)], go re re itlhamele ledi la rona.

Botswana o ne a sale a le mo RMA go tswa ka nako ya a tsaya boipuso kwa go Mmamosadinyana ka 1966, ka jalo a dirisa ledi le le lengwe le mafatshe a Afrika Borwa (South Africa), South West Africa (Namibia), Basutoland (Lesotho), le Swaziland (Eswatini). Le pele ga boipuso, Bechanaland Protectorate o ne a ntse a dirisa madi a a Ranta ya Afrika Borwa e e tlhomilweng ka 1961 fa Ponto ya Afrika Borwa e e tlhomilweng ka 1921 e emisiwa.

Sengwe se se konokono mo go nneng le ledi la gago ke go nna le leina le o tla le bitsang ka lone. Ke sone seo se se e re isang ko setlhogong sa tsatsi leno: Pula le Thebe.
Fa o bala mo tsebeng ya Metsi le Pula [Water and Rain] o tla gakologelwa botlhokwa jo re buileng ka jone ja pula (le metsi) mo botshelong ja Motswana. Ka jalo, ga go akabatse go fitlhela leina la ledi le letona la rona e le Pula. Go na le bakwadi ba bantsi ba ba buang ka se, mme fela ga go gontsi mo go buiwang ka Thebe.

Leina “thebe” le rurifatsa kgang ya gore Batswana ke batho ba kagiso le thokgamo. Se re kgona go re bona gape mo moonong wa sesole sa rona sa Botswana Defence Force: “Thebe ya Sechaba”. Moono o, o nkakantsha leina la sesole sa ANC ya Afrika Borwa, nako tsa Apartheid “Umkhonto we Sizwe”, le le rayang “Segai sa Sechaba” ka Sezulu (le Sethosa). O kgona go bona gore fa ba bangwe ba bua ka go iphemela, ba bangwe bone ba bua ka go tlhabantshana. Le gale, re tla bua tseo nako nngwe isago.

Madi a ntlha go tsena mo tirisong e ne e la a dipampiri a le mane, le a ditshipi a le matlhano. A dimpampiri e ne e le a dipula, a ₽1, ₽2, ₽5, le ₽10 o e neng e le ene madi a selekanyo se se kwa godimo go fetisa. Se se ne sa emisiwa ke go tlhangwa ga ₽20 morago ga dingwaganyana tse pedi. A ditshipi one e ne e le dithebe tsa dilakanyo tsa 1t, 5t, 10t, 25t le 50t. Moragonyana, go ne ga dirwa ₽1 wa tshipi, mme se sa dira gore Pula a nne le wa tshipi le wa pampiri ka nako e le nngwe.
Madi a 2 thebe a tsene mo tirisong morago ga dingwaga tse tlhano (ka 1981), mme a farologana le madi a mangwe fela thata, ka a ne a le tshitshwana e mmala wa kopore jaaka 5 thebe, mme gape a le matlhakore a a maketlo ebile e le ene fela mo mading otlhe a Botswana a a kileng a nna, yo o kwadileng mafoko ka fa letlhakoreng le le kwa pele: “Lemang Dijo”.
Se sengwe gape se se neng se sa tlwaelesega ka ledi le ke gore le ne le fetwa ke la 1 thebe ka botona. Se se ne se sa tsamaisanye le tsamaiso e etlwaetsweng ya gore madi mangwe le mangwe a  afetang a mangwe ka boleng, le ka botona gape a tshwanetse go a feta.

Mme legale, mo tsamaong ya naka, fa ditlhwtlhwa di ntse di ya magoletsa, go ne ga lemosega fa 2t, mmogo le 1t, ba sa tlhole ba tlhokafala, mme ba ntshiwa mo tirisong. Se sengwe gape dipula tsa ₽1, ₽2, and ₽5 tsa fetolwa go nna madi a tshipi jaanong a sa tlhole a le a dipampiri; go bo gape go tlhangwa a dipampiri a ₽50, ₽100, le ₽200.

Fa re boela ko kgang ya maina a madi, re ka simolola ka go tlhalosa gore maina a a kopilwe mo bathong ba Botswana, go anama le lefatshe, fela jaaka fa go dirwa tlhopho ya patlo-maikutlo. Molaetsa o ne wa goroga ko dikhutlhong tsotlhe tsa lefatshe, mme ga supega maina a a ratilweng ke batho ka bontsi e le pula le thebe. Kgotsa mongwe o ka gakologelwa bosheng fa teemane ya kgathakgoba e e bonweng ko Karowe e neng ya fiwa leina Lesedi la Rona.

Mainanyana a mangwe a a kgonang go dirisiwa go raya madi a Botswana ka go farologana a akaretsa bo sheleng, ponto, le siki, a a tswang mo maineng a madi a aneng a dirisiwa ka nako tsa ga Mmamosadinyana wa ntlha, jaaka shilling, pound, le six [pence], ka go latelana. A mangwe jaaka bo ranta le sente, a tswa mo maineng a madi a Afrika Borwa, ka ntswa a emisitse go dirisiwa mo Botswana ka 1976, re sentse re amana thata le one ka Afrika Borwa e le lone lefatshe le le dirisanyang that aka tsa kgwebo le banni ba Botswana.

Tla re digele ka go buanyana ka Letsatsi le Pula. Le fa ntswa le sa tumisiwa thata, go ne le diritagalo di le mmalwa tse ke neng di le ipelela, jaaka go simolodisiwa ga ledi la boleng ja P100 ka 1993, le go simolodisiwa ga la P200 ka 2009, le tiragalo ya tsatsi lone, ka 2023, fa Tautona a ne a bula semmuso dikago tse disha tsa Banka ya Botswana tsa PuleThebe.

Ka setlhogo se se na le dintlha di le dintsi thata, thanolo ya Sekgowa ya tsebe e ga e a direlwa mo go yane jaaka e le tlwaelo.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *